settings icon
share icon
Potso

Bokeresete ke eng, Bakeresete ba dumela Eng?

Karabo


I Bakorinthe 15:1-4 e re, “Bakaulengwe, ke lo gopotsa Efangele e ke lo e reretseng, e lo e amogetseng, e e bileng lo eme mo go yona, e lo pholosiwang ka yona, fa lo ntse lo e dirisa jaaka ke lo e reretse, fa lo sa dumelela lefela. Gonne tse dikgolo tse ke di lo neileng ke tse nna ke di amogetseng, e bong gore Keresete o ne a swela dibe tsa rona ka fa Dikwalo di kayang ka gone, le gore o ne a fitlhwa, le gore o tsositswe ka letsatsi la boraro ka fa Dikwalo di kayang ka gone”.

Ka boropana, seo ke moko wa tumelo ya Sekeresete. E itlhopile go tswa mo ditumelong tse dingwe gonne yone ga e a lebelela meetlo, mme e lebeletse botsalano. Go na le gore re lebelele bontsi jwa dilo “tseo re tshwanelang go di dira le tseo re sa tshwanelang go di dira”. Maitlhomo a Bokeresete ke go simolola botsalano le Modimo Rara. Botsalano jo, bo kgonega ka tiro ya ga Keresete Jesu le tirelo mo botshelo jwa Mokeresete ka Mowa o o Boitshepo.

Bakeresete ba dumela gore Beibele ke Lefoko ja Modimo, leo le nang le taolo mo dilong tsotlhe (II Timotheo 3:16; II Petoro 1:20-21). Bakeresete ba dumela gape mo go Modimo a le mongwe, yo o itlhagisang mo borarong – Rara, Morwa (Jesu Keresete), le Mowa o o Boitshepo.

Bakeresete ba dumela gore batho ba tlhodilwe gore ba nne le botsalano le Modimo (Baroma 3:23; 5:12). Bakeresete ba ruta gore Jesu Keresete o tsamaile mo lefatsheng e le Modimo yo o tletseng, gape ele motho yo o feleletseng (Bafilipi 2:6-11), mme wa swa mo sefapanong. Bakeresete ba dumela gore morago ga loso lwa gagwe mo sefapanong, o ne a bolokwa, wa tsoga gape, mme jaanong o mo letsogong le le jang la ga Rara , o bile o rapelela bodumedi botlhe ka bosakhutlheng (Bahebere 7:25). Bakeresete ba bega gore loso lwa ga Keresete mo sefapanong le lekane go duelela boleo jwa batho botlhe mo lefatsheng gonne ke seo se siamisang botsalano gareng ga Modimo le batho (Bahebere 9:11-14); 10:10; Baroma 5:8; 6:23).

Fa mongwe a rata go pholosiwa, o thswanetse go baya tsholofelo ya gagwe yotlhe mo tirong eo Jesu Keresete o e weditseng kwa sefapanong. Fa motho o dumela gore Keresete o sule mo bagatong ba gagwe go mo duelela boleo jwa gagwe, a tsoga mo baswing, motho yoo o tla pholosiwa. Ga go sepe seo motho o ka se dirang ka boena gore a pholosiwe. Ga go na ope yo o siameng thata gore a ka itumedisa Modimo ka boena, gonne rotlhe re leofile (Jesaya 53:6; 64:6-7). Sa bobedi, ga go sepe tshwanetsweng go dirwa go tlaleletsa gonne Keresete o dirile Tiro yotlhe! Fa o ne o le mo sefapanng, Jesu Keresete o rile, “Go weditswe!” (Johane 19:30).

Ka gonne go se sepe seo motho o ka se dirang go tshwanelwa ke pholoso, ga go sepe seo motho oka se dirang go go latlhegelwa ke pholoso gonne tiro e weditswe yotlhe ke Keresete! Ga go sepe mo pholosong se se ikaegileng ka yo o pholosiwang. Johane 10:27-29 e bua ere, “dinku tsa me di utlwa Lentswe la me; ke a di itse, mme di ntshala morago. Ke di naya botshelo jo bo sa khutlheng. Ga di ka ke tsa latlhega, le fa e le ka motlha ope; le gona ga go ope yo o ka di phamolang mo seatleng sa ga Rre”.

Mongwe a ka gopola gore, “se, se a itumedisa- fa ke pholositswe nkanne ka itirela boithatelo kwa ntle ga go latlhegelwa ke pholoso!” Le goka!, pholoso ga e reye gore re ka dira jaaka re rata. Go pholosiwa ke go newa thata ya go tshela ka tokologo gore o se dire ditiro tsa motho wa bogologolo wa boleo, mme o kgone go go simolola botsalano le Modimo. Mo tshimologong re ne le batlhanka ba boleo, jaanong re batlhanka ba ba ga Keresete (Baroma 6:15-22). Fa badumedi ba santse ba tshela mo lefatsheng, ba le mo mebeleng ya bona ya boleo, go tlile go nna le ntwa e e sa feleng kgatlhanong le boleo. Bakeresete ba ka kgona go fenya ntwa e fa ba ka buisa Beibele le go diragatsa tseo di kwadilweng mo go yone. Ba thswanetse go tsamaisiwa ke Mowa o o Boitshepo- ke gore go ineela gore Mowa o re dirise tse di molemomo maemong otlhe ao re kopanang nao.

Ka jalo, Bokeresete ke go dumela gore Jesu Keresete o re swetse mo sefapanong go duellela maleo a rona, mme wa tsoga gape. Boleo jwa rona bo duelletswe mme re ka kgona go nna le botsalano le Modimo. O ka fenya boleo wa nna le botsalano le kgolagano le Modimo wa ba wa dira thato ya one. Seo, ke Bokeresete jwa boammaruri jwa Beibele.

English



Boela kwa tsebebg ya fa gae ya Setswana

Bokeresete ke eng, Bakeresete ba dumela Eng?
Facebook icon Twitter icon Pinterest icon Email icon
© Copyright Got Questions Ministries