settings icon
share icon
Potso

Boleng jwa Modimo bo ntse jang? Modimo o ntse jang?

Karabo


Kgang e e itumedisang fa re simolola go araba potso e ke gore, go dilo dile dintsi tota tseo di ka ribololwang ka ga Modimo. Fa o batla go tlhatlhoba tlhaloso e, go botlhokwa gore o e bale yotlhe go fitlhela kwa bofelong. Morago ga foo, o batle, o be o buise dikwalo tse di tlhopilweng fa, gore o tle o kgone go tlhaloganya sentle. Go botlhokwa gore o bale dikwalo di le mmalwa mo Beibeleng tseo di buang ka kgang e, gonne kwa ntle le tsona, tsotlhe tsoe re ka di buang e tla bo ele megopolo ya batho e e fosagetseng (Jobe 42:7). Go botlhokwa go leka go tlhaloganya seo Modimo o leng sona lefa re ka seke ra ribolola dilo tsotlhe ka ga gagwe, gape, fa re ka nna rare Modimo o mogolo thata go ka sekasikiwa, re ka iphitlhela re setse morago, kgotsa re direla medimo ee fosagetseng (Ekesodu 20:3-5).

Modimo o re senoletse tseo o ratang gore re di itse ka ga ene fela. Re fitlhela gore “lesedi” ke ngwe ya dilo tse di buang ka boloeng jwa Modimo. Modimo jaaka lesedi, ke ene ka nosi yo o kgonang go itlhalosa gore ontse jang (Jesaya 60:19; Jakobo 1:17). Re seka ra ikgatholosa nnete e e reng: Modimo ke ene yo o re itshenoletseng gore re tle re mo itse, esere gongwe ra iphitlhela re retelelwa ke go tsena mo boikhutsong jwa One (Bahebere 4:1). Tlholego, Beibele, le Lefoko leo le fetogileng go nna nama (Jesu Keresete), ke tsona tseo di tlileng go re thusa go itse seo Modimo o leng sone.

Go botlhokwa go tlhaloganya gore Modimo ke Motlhodi wa dilo tsotlhe, mme le rona re karolo ya tseo o di tlhodileng (Genesi 1:1; Pesalome 24:1). Modimo o rile motho o tlhodilwe mo setshwanong sa One, wa ba wa mo neela thata ya go laola tlholego yotlhe (Genesi 1:26-28). Lefa Tlholego ene ya tlhakatlhakanngwa ke boleo, tiro ya diatla tsa Modimo e santse e bonagala sentle (Genesi 3:17-18; Baroma 1:19-20). Fa re leba magodimo le masaitsiweng otlhe; bontle le thulaganyo e e tlhomameng ya dilo tsotlhe tseo di tlhodilweng, re kgona go bona gore ruri Modimo o a makatsa.

Maina ao Modimo o bitswang ka one, a kgona go re naya tlhaloso ee botoka go ka sekaseka boleng jwa Modimo. Maina oa ke a:

Mothatayotlhe (Elohim) – Modimo yo o matlaotlhe, Motlhodi (Genesi 1:1)
Mongwatsotlhe (Adonai) - Morena, yo o laolang tsotlhe (Ekesodu 4:10-13)
Mogodimodimo (El Elyon) – Modimo yo o kwa godimo dimo, yo o maatla tota (Genesi 14:20)
Yo o mponang (El Roi) – Modimo yo o mponang (Genesi 16:13)
Ramatlaotlhe (El Shaddai) – yo o nang le thata yotlhe (Genesi 17:1)
Mobosakhutlheng (El Olam) – Modimo yo o sa khutlheng (Jesaya 40:28)
Moitlhodi (Yahweh) – Modimo yo o neng a ntse a le teng (Ekesodu 3:13-14)

Re tswelela go sekaseka go tseneletse ka boleng jwa Modimo ka fa setlhogong se se reng: Modimo ke Mobosakhutlheng. Se, se raya gore Modimo ga ona tshimologo e bile ga ona bokhutlho. O nnile gone go tswa kwa bosenang tshimologo mme o tla nna teng go fitlha kwa bosenang bokhutlho. Modimo ga o swe, e bile ga o fele. (Doiteronomio 33:27; Pesalome 90:2; I Timotheo 1:17) Modimo ga o fetoge, go raya gore Modimo o a tshepagala e bile o boikanyo tota. Modimo ga o ake e bile ga o ikwatlhae (Maleagi 3:6; Numeri 23:19; Pesalome 102:26-27). Modimo ga o tshwane le ope, gape, a ka se tshwantshiwe le ope gonne go se yo o tshwanang le One ka ditiro le ka popego. Ke Modimo yo o siameng ka botlalo (II Samuele 7:22; Pesalome 86:8; Jesaya 40:25; Matheo 5:48). Tlhaloganyo ya Modimo, kitso ya gagwe, ditsela tsa gagwe le bogolo jwa One ga di na tlhotlhomiso (Jesaya 40:28; Pesalome 145:3; Baroma 11:33-34).

Modimo o siame, mo go rayang gore ga ona kgethollo (Doiteronomio 32:4; Pesalome 18:31*). Modimo ke Mothatayotlhe; go raya gore ona le thata yothle. O dira sengwe le sengwe se o se eletsang go se yo o ka mo kganelang. Le fa Modimo O dira sengwe le sengwe se o se eletsang, ditiro tsa gagwe di ikamanya le Lentswe la gagwe (Tshenolo 19:6; Jeremia 32:17-27). Modimo o felo gotlhe; se, se raya gore ga go kwa Modimo o seng teng. Le fa gole jalo, se ga se reye gore Modimo ke dilo tsotlhe (Pesalome 139:7-13; Jeremia 23:23). Modimo o itse dilo tsotlhe; Modimo o itse tse di diragetseng, tsa gompieno, le tseo di tla diragalang mo isagong. Tsotlhe tseo re di akanyang nako le nako Modimo o a di itse. Ka gonne Modimo o itse dilo tsotlhe, katlholo ya gagwe ga e tseye letlhakore (Pesalome 139:1-5; Diane 5:21).

Modimo o mongwe fela, ga go ope kwa ntle ga gagwe. Gape, Modimo ke ona ka nosi yo o kgonang go fitlhelela ditlhokwa tsa rona tse di kwa tengteng, le go re naya tseo dipelo tsa rona di di eletsang. Ke one o le esi yo o tshwanetsweng ke go obamelwa le go rapelwa (Doiteronomio 6:4). Modimo o itshekile, ga o kitla o ikgatholosa tlolo molao kgotsa boleo bope. Jesu Keresete o ne a bona kgalefo ya Modimo ka ntata ya maleo a rona rotlhe ao o neng o a rwesitswe (Ekesodu 9:27; Matheo 27:45-46; Baroma 3:21-26).

Modimo o laola tshotlhe. Ga go ka tsela epe eo dibopiwa tsa one kgotsa tlholego, ka maikaelelo kgotsa ka phoso, di ka folodisang maikaelelo a one (Pesalome 93:1; Pesalome 95:3; Jeremia 23:20). Modimo ke mowa, ga o boniwe ka matlho (Johane 1:18; Johane 4:24). Modimo ke boraro bongwe. Mo borarong bongwe jo, go boleng, thata, le kgalalelo ee lekanang. Lefa mo lokwalong lwa ntlha go buiwa ka ga Modimo jaaka motho a le mongwe, leina ja gagwe le tota le kaya batho bale bararo eleng- “Rara, Morwa, le Mowa o o Boitshepo” (Matheo 28:19; Mareko 1:9-11). Modimo o boammaruri. O dumallana le sengwe le sengwe ka ga gagwe. Modimo o tla nna o ntse o itshekile, e bile ga o kgone go akafala (Pesalome 117:2; I Samuele 15:29).

Modimo o boitshepo. Ga go na selabe sepe sa maswe mo go ene, e bile o ila bobe jotlhe. Modimo o galifisiwa ke bosula jotlhe jo bo diragalang. Gantsi mo makwalong go fitlhelwa lefoko “molelo” fa go buiwa ka boitsheko. Modimo a kaiwa jaaka molelo oo nyeletsang (Jesaya 6:3; Habakuke 1:13; Ekesodu 3:2-5; Bahebere 12:29). Modimo o boutlwelo- botlhoko. Lefoko le, le akaretsa molemo, bopelontle, boitshwarelo, le lorato- mafoko a, a re naya bokao jwa tshiamo ya Modimo. Fa e kabo ene e se ka boutlwelo- botlhoko jwa Modimo, go bonagala sentle gore boleng jwa Modimo bo ne bo tlile go re kgapela kwa ntle. Ka lesego, ga go a nna jalo gonne Modimo ka osi o eletsa go ka itsalanya le rona bongwe ka bongwe (Ekesodu 34:6; Pesalome 31:19; I Petoro 1:3; Johane 17; 3).

Se ke maiteko a a lekanyeng a go araba potso e kgolo ka ga Modimo. Tswelela pele o batle Modimo ka tlhoafalo (Jeremiya 29:13).

* temana 30 mo phetolelong ya KJV (English)

English



Boela kwa tsebebg ya fa gae ya Setswana

Boleng jwa Modimo bo ntse jang? Modimo o ntse jang?
Facebook icon Twitter icon Pinterest icon Email icon
© Copyright Got Questions Ministries