settings icon
share icon
Potso

A Jesu ke Modimo? A Jesu o kile a re ene ke Modimo?

Karabo


Jesu ga a a gatisiwa mo bebeleng a bua mafoko a, “Ke nna Modimo,” Mme se ga se reye gore ga a ise a bue gore ke ene Modimo. Seka, Mafoko a ga Jesu mo Johane 10:30, “Nna le ntate re motho a le mongwe.” Re tlhoka fela go lebelela gore bajuta ba fetotse jang gore re itse gore o ne a re ke Modimo. Ban e ba leka go mo kgobotletsa ka maje ka lona lebaka le. “… wena, o bua gore o Modimo” (Johane 10:33). Bajuta bane ba tlhaloganya sentle se Jesu a neng a se kaya – bolengteng. Lemoga gore Jesu ga a a ka a ganela gore enne ga a re ke Modimo. Fa Jesu a ne a re ‘ Nna le Modimo re motho a le mongwe” (Johane 10:30), O ne a re Ene le Modimo ke motho a le mongwe o ne a raya gore Ene le Modimo ke ba tlholego e le nngwe. Johane 8:58 ke sekao se sengwe. Jesu are, “Ke lo bolelela nnete, pele Aborahame a tswala, e ne e le nna!” Phetlolo ya bajuta fa ba utlwa polelo e ya nna gore ba mo kgobotletse ka maje ka maaka, jaaka molao wa Masai o ne o ba laela (Lefitiko 24:15).

Johane o boeletsa kgopolo ya bolengteng ba ga Jesu: “Lefoko e ne e le Modimo” mme lefoko la nna nama” (Johane 1:1, 14). Ditemana tse di bontsha gore Jesu ke Modimo ka namana. Ditiro 20:28 a re mo go rona, “Nnang badisa ba kereke ya Modimo, e a e rekileng ka madi a gagwe.” Ke mangy o o rekileng kereke—kereke ya Modimo—ka madi a gagwe? Jesu Keresete. Ditiro 20:28 a re Modimo o rekile kereke ya gagwe ka madi a gagwe. Jalo Jesu ke Modimo!

Thomase wa morutwa a re ka ga Jesu, “Morena le Modimo wa me” (Johane 20:28). Jesu ga a mo nepagatsa. Tito 2:13 o re rotloeletsa go emela go tla gaga Modimo le mopholosi, Jesu Keresete (bona gape 2 Petoro 1:1). In Baheberu 1:8, ntate a re ka ga Jesu, “Mme ka ga morwa a re, Puso ya gago Modimo e tla nnela ruri mme baitshephi bat la nna bajaboswa jwa puso ya gago. Ntate o kaela kwa go Jesu a re “Modimo” go supa gore Jesu ke Modimo.

Mo go Tshenolo, moengele o ne laola moaposetolo Johane go boka Modimo a nnosi (Tshenolo 19:10). Ka dinako di le mmalwa mo bebelng Jesu o amogela pako (Matheo 2:11, 14:33, 28:9, 17; Luka 24:52; Johane 9:38). Ga a nke a kgala batho go mo paka. Fa Jesu e ne e se Modimo o ne a ka bo a boleletse batho go emisa go mo boka, fela jaaka moengele a dirile mo go Tshenolo. Go na le ditemana le di ditema mo bebeleng tse di buang ka ga boleng teng bag a Jesu.

Lebaka la bothlokwa le le dirang gore Jesu e nne Modimo ke gore, fa e se Modimo go raya gore loso la gagwe le ka bo le sa lekana go duela kotlhao ya dibe tsa rona mo lefatsheng (1 Johane 2:2). Sebopiwa, se Jesu e tla nnang sona fa e se ene Modimo, se ne se ka se duele ka bo sa khutleng. Ke Modimo fela yo o ka dueling kotlhao e e sa feleng (2 Bakorinthe 5:21), a swa, a tsoga go paka phenyo ya gagwe mo godimo ga loso.

English



Boela kwa tsebebg ya fa gae ya Setswana

A Jesu ke Modimo? A Jesu o kile a re ene ke Modimo?
Facebook icon Twitter icon Pinterest icon Email icon
© Copyright Got Questions Ministries