settings icon
share icon
Potso

Melao e le Mene ya semowa ke efe?

Karabo


Melao e le Mene ya semowa ke mokgwa wa go abelana dikgang tse di molemo tsa pholoso e e bonwang ka Jesu Keresete Melao e le Mene ya semowa..

Molao wa ntlha wa ele Mene ke o, “Modimo o a re rata, o bile o na le maikaelelo a mantle ka ga rona”. Johane 3:16 e re bolelela gore “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo, mo o bileng wa neela ka morwaona yo o tswetsweng a le esi gore mang le mang yo o dumelang mo go ene a seks a latlhega mme a nne le botshelo jo bo sa khutlheng”. Johane 10:10 e re bolella gore ke ka ntlha ya eng Jesu Keresete a tlile mo lefatsheng. “Ke tlile gore ke ba neye botshelo jo bo feletseng”. Ke eng se se re kgoreletsang gore re seka ra fitlhelelwa ke lorato lwa Modimo? Ke eng se se re thibelang go tshela botshelo jo bo feletseng?

Molao wa bobedi mo go e mene ke: “batho botlhe re leswafaditswe ke boleo mme re iphitlhela re kgaogane le Modimo. Ka lebaka leo, ga re kgone go lemoga maikaelelo a mantle ao Modimo a nang le one ka matshelo a rona”. Baroma 3:23 e dumallana le puo e, “gonne botlhe ba leofile, ba tlhoka tlotlo fa pele ga Modimo”. Baroma 6:23 e bua ka tuelo ya boleo, gonne tefo ya boleo ke loso”. Modimo o re tlholetse gore renne le botsalano le ene, mme motho ene a tlisa sebe mo lefatsheng, seo sa dira gore re se tlhole re nna le botsalano le Modimo. Re sentse botsalano jo Modimo o neng o bo batla magareng ga rona le ene. Tharabollo ke eng?

Molao wa boraro go e mene ya semowa ke, “Jesu Keresete ke ene fela yo o ka tlosang boleo jwa rona. Ka Morena Jesu re kgona go tshwarelwa maleo a rona. Ka Morena Jesu re kgona go tshwarelwa maleo a rona go be go lukisiwe kgolagano magareng ga Modimo le rona”. Baroma 5:8 e re bolelela gore: “Mme Modimo o supile lerato lo o re ratang ka lone, gonne Keresete a re swetse rentse re le baleofi”. I Bakorinthe 15:3-4 e re bolelela gore re dire eng gore re pholosiwe, “... e bong gore Keresete o ne a swela dibe tsa rona ka fa Dikwalong, le gone o ne a fitlhwa, le gore o tsositswe ka letsatsi la boraro ka fa dikwalong, ...” Keresete ka sebele o bua mo go Johane 14:6 gore ke ene yo e leng tsela ya pholoso a nnosi. “... ke nna tsela le boammaruri le bophelo: ga go ope yo o ka fitlhang kwa go Rara fa e se ka nna”. Nka amogela jang neo e e itumedisang ya pholoso e?

Molao wa bone ke, “Re tshwanetswe go dumela mo go Jesu Keresete gore re tle re bone neo ya pholoso re kgone go lemoga maikaelelo a mantle ao Modimo o nang le one ka matshelo a rona”. Johane 1:2 e re tlhalosetsa se, “Le gale, botlhe ba ba neng ba mo tshola, a ba naya tshiamelo ya go nna bana ba Modimo”. Ditiro 16:31 e re, “... Dumela mo go Morena Jesu mme o tla pholosiwa!” Re pholosiwa ka boitshwarelo fela , ka tumelo e nnosi, mo go Keresete Jesu a le esi (Baefeso 2:8-9).

Fa o batla go solofela mo go Jesu Keresete jaaka Mopholosi, bau mafoko aa latelang. Go bua mafoko a ga go kitla go go pholosa, tsholofelo mo go Keresete ke yone e e tla go pholosang! Thapelo e, ke mokgwa wa go bontsha tumelo mo Modimong le go mo leboga ka gore naya pholoso. “Rara, ke a itse gore ke leofile kgatlhanong le wena mme ke thswanetse ke kotlhao. Fela, Jesu Keresete o tsere kotlhao e e neng e ntibile gore fa ke dumela mo go ene ke itshwarelwe boleo. Ke solofetse mo go wena gore o mpholose. Ke a go leboga ka nntata ya boutlwelobotlhoko jwa gago le boitshwarelo, e leng mpho ya botshelo jo bo sa khutlheng! Amen.

A o tsere tshweetso ka Keresete ka lebaka la se o se buisitseng fa? Fa go le jalo, tobetsa konopo e e fa tlase “Ke amogetse Morena gompieno”.

English



Boela kwa tsebebg ya fa gae ya Setswana

Melao e le Mene ya semowa ke efe?
Facebook icon Twitter icon Pinterest icon Email icon
© Copyright Got Questions Ministries