settings icon
share icon
Potso

A Modimo o teng? Nka netefatsa jang gore Modimo o teng?

Karabo


Re a itse gore Modimo o teng gonne o re itshenoletse ka tsela di le tharo: ka tlholego, mo lefokong la gagwe, le ka Morwa wa one, Jesu Keresete.

Sesupo se se kwa setlhoeng se se supang gore Modimo o teng ke tseo Modimo o di tlhodileng. “Kana go tswa tlholegong ya lefatshe bosabonweng jwa ona e bong thata e e sa khutlheng ya one le Bomodimo jwa one, bo lemogwa sentle ka ditiro tsa ona gore ba se nne le seipato” (Baroma 20.) “Magodimo a bolela kgalalelo ya Modimo, phuthologo e rera tiro tsa ona” (Pesalema 19: 1).

Fa nka sela sesupanako sa letsogo mo tshiamong, ga nkitla ke akanya gore se “tlhagile” fela go tswa go sele mme sa nna teng. Go ya ka modiro wa sesupanako seo, o ka kgona go lemoga gore go mongwe yo o se dirileng. Fa re leba lefatshe le tsotlhe tse di le dikaganyeditseng, re bona botswerere jo bo tseneletseng. Tsela eo nako e badiwang ka gone ga ea ikaega mo dithsupanakong tsa rona, ke ditiro tsa Modimo tsa botswerere- go dikologa ga lefatshe ka metlha. Tlholego yotlhe e supa botaki jo bogolo, jo bontle, jo bo re bolelelang gore Modimo ke Motlhodi yo Mogolo.

Fa nka fitlhela molaetsa oo bofitlho, nka batla moitsanape wa tharabollo ya masaitsiweng gore a mpolelle seo molaetsa oo o se kayang. Mo kakanyong ya me go tla tlhagelela gore motho yo o rometseng molaetsa oo, o botlhale tota, mme ke ene yo o dirileng gore go nne le tlhaloso ya molaetsa oo bofitlho oo. A bofitlho jwa DNA ya mebele ya rona ga e re senolela gore go na le Motlhodi yo o botlhale tota, yo o kwadilweng di DNA tsa rona na? Modimo ga wa felela ka go dira lefatshe le ka matsetseleko, o bile wa dira gape gore re tlhologelele bosena-bokhutlo mo dipelong tsa rona (Moreri 3:11). Batho botlhe re tsalwa ka ponelopele ya gore go botshelo jo bogolo go gaisa tseo re di bonang ka matlho, go na le tlholego e kgolo go gaisa botshelo jwa mo lefatsheng le. Tlhologelelo ya batho ya bosakhutlheng re e bona ka tsela dile pedi – molao, le kobamelo.

Go tswa kwa tlhabologong enngwe go ya go enngwe, ditirafalo di re bontsha gore go meetlo le maitshwaro a mantle tse di tshwanang mo merafeng ee farologaneng ka dipaka tse di sa tshwaneng. Se, se a makatsa tota. Sekao: lorato lo tlotliwa gotlhe; mme go akafala go ga batlege lefatsheng lotlhe. Thuto ya molemo le bosula – di bontsha gore go sibopiwa se se kwa godimo ga tsotlheseo se re neelang maikutlo a.

Ka yona tsela e entseng jalo, batho lefatshe lotlhe, go tswa mo merafeng e e fapafapaneng, ba na le ditsela tsa bone tsa go obamelwa. Lefa ditsela tsa kobamelo di farologane, fela maikutlo o gore go mongwe yo o kwa godimo ga tsotlhe kekarolo ya batho botlhe. Maikutlo a go batla go obamelwa ke Sesupo sa gore Modimo o re tlhodile “mo setshwanong sa one” (Genesi 1:27).

Modimo o iponagaditse mo go rona ka Lefoko ja gagwe - Beibele. Mo Dikwalong, re lemoga gore go nna teng ga Modimo ke kgang e e itlhalosang ka boyona (Genesi 1:1; Ekesodu 3:14). Fa monna yo o bidiwang Benjamin Franklin a kwala tsa botshelo jwa gagwe, ga a nka a senya nako a leka go tlhalosa gore o a tshela. Le ka tsela e e ntseng jalo, Modimo ga o senye nako o leka go re netefaletsa mo Beibeleng gore o gone. Tsela eo Beibele e fetolang matshelo a batho, go tlhomama ga yone, le tsela e e gakgamatsang e Beibele e kwadilweng ka yone, go thswanetse gwa re rotloetsa go buisa Beibele ka tlhoafalo.

Tsela ya boraro eo Modimo o iponagatsang ka yone ke ka Morwa wa gagwe, Jesu Keresete (Johane 14:6-11). “E rile mo tshimologong Lefoko la bo le ntse le le teng; Lefoko la nna nama, la aga mo go rona. Ra bona kgalalelo ee lebaganyeng yo o tsetsweng a le esi, e tswa mo go Rara, a tletse bopelotlhomogi le boammaruri” (Bakolose 2:9).

Mo botshelong jo bo makatsang jwa ga Jesu Keresete, O ne wa boloka ditaelo tsotlhe tsa Kgolagano ya Bogologolo mme wa diragatsa tsotlhe tse di bolelletsweng pelr ka ga Jesu Keresete Mopholosi (Matheo 5:17). O ne a dira mediro e mentsintsi ya boutlwelo-botloko le metlholo mo phatlalatseng go netefatsa Molaetsa wa gagwe le go nna tshupo gore ke Modimo (Johane 21:24-25). Malatsi a le mararo morago ga gore a bapolwe, o ne a tsoga mo baswing, wa bonwa ke magolokgolo a batho (I Bokorinthe 15:16). Ditiragalo tse di tletse ditshupo tsa go re itsise seo Jesu Keresete eleng sone. Moapostolo Paulo o rile, dilo tse “ga diaka tsa direlwa mo sephiring” (Ditiro 26:26).

Re a itse gore go tla nna teng ba ba belaelang, ba ba nang le megopolo ya bone ka ga Modimo mme ba tla bala bopaki jo ka tshwanelo. Go ba bangwe ba ba sa dumeleng le fa re ka ba neela bopaki jo bontsintsi. (Pesalome 14:1). Go batlega fela tumelo Baheberu 11:6).

English



Boela kwa tsebebg ya fa gae ya Setswana

A Modimo o teng? Nka netefatsa jang gore Modimo o teng?
Facebook icon Twitter icon Pinterest icon Email icon
© Copyright Got Questions Ministries