settings icon
share icon
Potso

Mokeresete ke eng?

Karabo


Tlhaloso ya thanodi e ka nna sengwe se se tshwanang le “motho yo o buang tumelo ya gagwe mo go Keresete kgotsa dithuto tse di ikaegileng ka Keresete.” Le fa se e tshimologo e e simeng aka dithanodi di le dintsi di kaya, e tlhaela go bua ka nnete ya bebele ya se Mokeresete tota e leng sona. Lefoko “Mokeresete” le dirisitswe gararo mo Tesetamenteng e ntšhwa (Ditiro 11:26; 26:28; 1 Petoro 4:16). Balatedi ba ntlha bag a Keresete ban e ba bidiwa “Bakeresete” kwa Antioch (Ditiro 11:26) ka lebaka la fa ditiro tsa bona, maitsholo le puo e ne e tshwana le ya ga Keresete. Lefoko “Keresete” le kaya “go nna wa lekoko la ga Keresete” kgotsa “molatedi wag a Keresete.”

Ka maswabi fa nako e ntse e tsamaya, lefoko “Mokeresete” le ne la latlhegelwa ke boleng thata mme le dirisiwa gantsi ke motho yo o nang le boleng jo bo kwa godimo jwa tumelo kgotsa a na le boemo jo bo kwa godimo jwa maitsholo mme e le molatedi kana e se molatedi wa nnete wa ga Jesu Keresete. Bontsi jwa batho ba bas a dumeleng le go ikanya mo go Keresete ba ipitsa bakeresete ka gonne bay a kerekeng kgotsa ba tshela mo setšhabeng sa Bakeresete. Fela go ya kerekeng, go direla ba ba senang sepe le go nna motho yo o siameng ga go go dire Mokeresete. Go ya kerekeng ga go go dire Mokeresete fela jaaka go ya kwa karatsheng ya leokwane go sa go dire koloi. Go nna leloko la kereke, go direla kereke le go ya kerekeng ka tlhomamo ga go go dire Mokeresete.

Bebele e re ruta gore ditiro tse dintle tse re di dirang ga di dire gore re amogelwe ke Modimo. Tito 3:5 a re, “O re bolokile, mme e seng ka lebaka la dilo tse di siameng tse re di dirileng, ka lebaka la mohau wa gagwe. O re bolokile ka tsalo sešwa le ntšhwafatso ka mowa o o boitshepho.” Jalo, Mokeresete ke motho yo o tsetsweng sešwa ke Modimo (Johane 3:3; Johane 3:7; 1 Petoro 1:23) mme a beile tshepo le tumelo ya gagwe mo go Jesu Keresete. Baefeso 2:8 o re bolelela gore “…ka mohau o bolokilwe, ka tumelo – mme e seng go tswa mo go wean, e le mpho e e tswang kwa Modimong.”

Mokeresete wa nnete ke motho yo o beileng tumelo le tshepo ya gagwe mo go Keresete, go tsenyeletsa le loso lwa gagwe mo sefapanong jaaka tuelo ya dibe le tsogo ka letsatsi la boraro. Johane 1:12 o re bolelela gore, “jalo go botlhe ba ba mo amogetseng, ba ba dumelang mo leineng la gagwe, o ba neile tshwanelo ya go nna bana ba Modimo.” Letshwao la Mokeresete le lerato, go ikobela lefoko la Modimo (1 Johane 2:4, 10). Mokeresete wa nnete ke ngwana wa Modimo tota, karolo ya lelapa la nnete la Modimo, yo o neilweng botshelo jo boša mo go Jesu Keresete.

A o tsere tshweetso ka Keresete ka lebaka la se o se buisitseng fa? Fa go le jalo, tobetsa konopo e e fa tlase “Ke amogetse Morena gompieno”.

English



Boela kwa tsebebg ya fa gae ya Setswana

Mokeresete ke eng?
Facebook icon Twitter icon Pinterest icon Email icon
© Copyright Got Questions Ministries