settings icon
share icon
Potso

Nka netefatsa jang gore ke ya Legodimong?

Karabo


A o na le bonnete jwa gore o na le bophelo jo bo sa khutlheng. E bile o tla ya Legodimong fa o swa? Modimo o rata gore o netefatsa se! Beibele e re: “Dilo tseo ke di lo kwaletse gore gore lona ba lo dumelang mo leineng la Morwa Modimo, lo itse gore lo na le bophelo jo bo sa khutlheng” (I Johane 5:13). Tsaya gore o fa pele ga Modimo jaanong mme o go botsa gore, “Ke ka ntata ya eng ke thswanetse go go letlelela go tsena kwa Legodimong?” Karabo ya gago e ka nna efe? Gongwe o ka se itse gore o arabe jang jaanong. Se o tshwanetseng ke go se itse ke gore Modimo o a re rata, o bile o re diretse tsela eo re ka netefatsang gorere tla tshelela bophelo jo bo sa khutlheng kwa kae. Beibele e re: “Modimo o ratile lefatshe mo o bileng wa neela Morwa one yo o tswetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a seks a latlhega mme a nne le botshelo jo bo sa khutlheng” (Johane 3:16).

Re thswanetse go itse santlha dilo tseo di ka re thibelang go tsena Legodimong. Bothata ke bo- tlhago ya rona ya boleo e re thibela go nna le kgolagano le Modimo. Re nna baleofi ka gonne re tsaletswe mo sebeng, gape re nna baleofi ka go itlhopela jalo. “Gonne botlhe ba leofile, ba tlhoka tlotlo fa pele ga Modimo” (Baroma 3:23). Re ka se ipholose ka borona. “Gonne lo pholositswe ka boitshwarelo ka tumelo: mme ga go tswe mo go lona; ke neo ya Modimo. Ga se ka ditiro, gore go se nne ope yo o ipokang” (Baefeso 2:8-9). Re tshwanetswe ke loso le dihele. “Gonne tuelo ya boleo ke loso” (Baroma 6:23).

Modomo o tlhamaletse e bile o boitshepo, mme otshwanetse go otlhaya boleo. Modimo o a re rata mme o re diretse boitshwarelo jwa boleo. Jesu Keresete o rile: “Kenna tsela, boammaruri le bophelo. Ga go yo o tlang kwa go Rara fa e ese ka me” (Johane 14:16). Jesu Keresete o sule mo sefapanong: “Gonne Keresete le ene o kile a bogela maleo a rona gangwe fela, ene mosiami mo boemong jwa basiamolodi, gore a re ise kwa Modimong”(I Petoro 3:18). Jesu Keresete o tsositswe mo baswing: “Yo o neng a neelwa mo losong ka ntlha ya ditlolo tsa rona, a ba a tsosediwa go siamisetswa ga rona” (Baroma 4:25).

A re boele mo potsong ya rona ya ntlha – “Nka netefatsa jang gore ke ya Legodimong fa ke sena go saw?” Karabo ke e – dumela mo go Jesu Keresete mme o tla pholosiwa (Ditoro 16:31). “Le gale, botlhe ba ba neng ba mo tshola, a ba naya tshiamelo ya go nna bana ba Modimo, e bong ba ba dumelang mo leineng ja gagwe” (Johane 1:12). O ka amogela bophelo jo bo sa khutlheng gonne ke neo e e sa duelelweng. “neo ya Modimo ke bophelo jo bo sa khutlheng mo go Keresete Jesu, Morena wa rona (Baroma 6:23). O ka kgona go tshela botshelo jo bo feletseng, jo bo nang le bokao jaanong. Jesu o rile: “Nna ke tsile gore di bane le bophelo, di be di nne le letlotlo (Johane 10:10). O ka kgona go nna le Jesu Keresete ka bosakhutlheng kwa Legodimong, gonne o solofeditse wa re: “Mme e tla re ke sena go ya le golo baakanyetsa manno, ke boe, ke lo itseele gore kwa ke leng teng, le lona le nne teng (Johane 14:3).

Fa o batla go amogela Jesu Keresete jaaka Mopholosi wa gago mme o bone boitshwarelo go tswa go Modimo, o ka rapela thapelo e e latelang. Gopola gore ga o pholosiwe ke go rapela thapelo e, kgotsa thapelo efe kapa efe. O pholosiwa mo boleong ke fa o dumela mo go Keresete Jesu. Thapelo e, ke mokgwa wa go bontsha tumelo mo Modimong le go mo leboga ka gore naya pholoso. “Rara, ke a itse gore ke leofile kgatlhanong le wena mme ke thswanetse ke kotlhao. Fela, Jesu Keresete o tsere kotlhao e e neng e ntibile gore fa ke dumela mo go ene ke itshwarelwe boleo. Ke solofetse mo go wena gore o mpholose. Ke a go leboga ka nntata ya boutlwelobotlhoko jwa gago le boitshwarelo, e leng mpho ya botshelo jo bo sa khutlheng! Amen.

A o tsere tshweetso ka Keresete ka lebaka la se o se buisitseng fa? Fa go le jalo, tobetsa konopo e e fa tlase “Ke amogetse Morena gompieno”.

English



Boela kwa tsebebg ya fa gae ya Setswana

Nka netefatsa jang gore ke ya Legodimong?
Facebook icon Twitter icon Pinterest icon Email icon
© Copyright Got Questions Ministries