settings icon
share icon
Potso

O na le boitshwarelo? Nka itshwarelwa jang dibe tsa me tsotlhe ke Modimo?

Karabo


Ditiro13:38 ya re, “jalo barwarre “Ke batla lo itse gore ka Jesu le neetswe boitshwarelo ba dibe.”

Botshwarelo ke eng mme goreng ke bo tlhoka?

Lefoko ‘tshwarela’ le kaya go phimola selaite, go itshwarela, go phimola sekoloto. Fa re leofela mongwe, re batla tshwarelo ya bona gore kamano ya rona e tswelele. Boitshwarelo gab o neelwe motho gonne bo mo tshwanetse. Ga go ope yo o tshwanelwang ke boitshwarelo. Boitshwarelo ke tiragatso ya lorato, boutlwelobotlhoko le mohau. Botshwarelo ke tshweetso ya go sa tsholele mongwe lerumo mo kobong, go sa tshwenye gore o dirile eng mo go wena.

Bebele e re bolelela gore rotlhe re tlhoka boitshwarelo go tswa mo Modimong. Rotlhe re leofile. Moekelesia 7:20 a re, “ga go na mothot yo o sa leofeng mo lefatsheng.” 1 Johane 1:8 a re, “Fa re re ga re na dibe, re a ithetsa mme ga go na nnete mo go rona.” Dibe tsotlhe ke go itaolela Modimo (Pesalome 51:4). Ka jalo re tlhoka itshwarelo ya Modimo tota. Fa dibe tsa rona di sa itshwarelwa re tla nna re sokola ka lebaka la dibe tsa rona (Matheo 25:46; Johane 3:36).

Boitshwarelo – Ke bo bona jang?

Ka ditebogo, Modimo o lerato e bile o boutlwelobotlhoko – o rata go re itshwarela dibe tsa rona,! 2 Petoro 3:9 o re bolelela gore, “…O re iketletse you, ga a batle ope a felelela mme o rata botlhe re ka ikotlhaya.” Modimo o eletsa gore itshwarela, jalo o re neela boitshwrelo.

Kotlhao e e re tshwanetseng ke loso. Halofo ya ntlha ya Baroma 6:23 e re, “Ka fa tuelo ya dibe e le loso…” Loso le le sa khutleng ke tuelo ya dibe tsa rona. Modimo ka leano la gagwe le le senang selabe, a nna motho – Jesu Keresete (Johane 1:1,14). Jesu a swa mo sefapaanong, a tsaya kotlhao e e neng e re tshwanetse. 2 Bakorinthe 5:21 e re ruta gore “Modimo o dirile ene yo o senang sebe go leofa re nne baitshephi ba Modimo mo go ene! Jaaka Modimo, Jesu o neetse dibe tsa rona bitshwarelo ka loso. 1 Johane 2:2 a re, “Ke setlhabelo sa dibe tsa rona mme e seng tsa rona fela, tsa lefatshe lotlhe.” Jesu o tsogile mo baswing mme a tsaya phenyo mo godimo ga loso le dibe (1 Bakorinthe 15:1-28). Bokang Modimo, ka loso le tsogo ya ga Jesu Keresete, halofo ya bobedi ya Baroma 6:23 ke nnete, “…mme mpho ya Modimo ke botshelo jo bo sa feleng ka Jesu Keresete Morema wa rona.”

A o batla go itshwarelwa dibe? A o na le maikutlo a sengwe se se phoso a a sa batleng go go tlogela? Itshwarelo ya gago ya dibe e teng fa o ka baya tumelo ya gago mo go Jesu Keresete jaaka mopholosi wag ago. Baefeso 1:7 a re, “Mo go ene ke na le itshwarelo ka madi a gagwe, go ya ka bontsi jwa mohau wa Modimo.” Jesu o re dueletse sebe gore re itshwarelwe. Se o tshwanetseng go se dira ke go kopa Modimo a go itshwarele ka Jesu, o dumela gore Jesu o sule go duelela itshwarelo ya rona – le gore o tla go itshwarela! Johane 3:16-17 e na le molaetsa o montle o, “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo moo o bileng wa romela morwaona a yo o nosi gore mongwe le mongwe yo o dumelang m go ena a seka a swam me a nne le botshelo jo bo sa khutleng. Modimo ga a a romela morwaona go tla go senya lefatsho mme go tla go le pholosa ka ene.”

Boitshwarelo – a go bonolo jalo?

Ee, go bonolo jalo. Ga o tlhoke go direla boitshwarelo go tswa ko Modimong. O ka se duele moitshwarelo go tswa mo Modimong. O ka bo bona fela ka tumelo, tshepo mohau le boutlwelobotlhoko ba gagwe. Fa o batla go amogela Jesu Keresete jaaka mopholosi wa botshelo ba gago o be o bona boitshwarelo, thapelo e o ka e rapelang ke e. Go bua thapelo e go ka se go boloke. Ke ka go tshepela mo Modimong fela o ka bonang itshwarelo ya dibe. Thapelo e ke fela go bua le go tlhagisa mo Modimong gore o a mo tshepa mme o mo lebogele go go neela boitshwarelo. "Modimo, ke modiradibe mm eke tshwanelwa ke kotlhao. Mme Jesu Keresete o tsere kotlhao eo gore ga ke dumela mo go en eke kgone go itshwarelwa. Ke baya tshepo ya me mo go wena. Ke lebogela mohau wag ago e botshwarelo! Amen!"

A o tsere tshweetso ka Keresete ka lebaka la se o se buisitseng fa? Fa go le jalo, tobetsa konopo e e fa tlase “Ke amogetse Morena gompieno”.

English



Boela kwa tsebebg ya fa gae ya Setswana

O na le boitshwarelo? Nka itshwarelwa jang dibe tsa me tsotlhe ke Modimo?
Facebook icon Twitter icon Pinterest icon Email icon
© Copyright Got Questions Ministries