settings icon
share icon
Potso

A go botshelo morago ga loso?

Karabo


A go botshelo morago ga loso? Beibele er bolelela gore, “Motho, ngwana wa mosadi, ke wa malatsi a se kae, o kgora matshwenyego. O tlhoga jaaka sethunya, a ba a swaba; o tshaba jaaka moriti, ga a na tlhomamo... Fa monna yo o swang a ne a ka phela gape” (Jobe 14:1-2, 14).

Jaaka Jobe, bontsi jwa rona re tshwenya ke potso e. Go diregang sentlentle fa re sena go swa? A e nna bokhutlho jwa rona? A botshelo ke mojako o o dikologang, o o re tlisang mo lefatsheng o be o re tseye gore re tle go ipatlela tlotla mo go lone? A rotlhe re ya felo go le gongwe, kgotsa re ya mafelong a a fapafapaneng fa re sena go swa? A go Legodimo, a go dihele, a kgotsa ke megopolo ya batho fela dilo tseo? Beibele e re bolelela ka ga botshelo morago ga loso, e re bolelela ka “Tse leitho le sa di bonang, tse tsebe e sa di utlwang, tse di sa tsenang mo pelong ya motho, ke tsona tse modimo o di baakanyeditseng bone ba ba o ratang” (I Bakorinthe 2:9). Jesu Keresete, e bong Modimoyo o apereng mmele, o tlile mo lefatsheng go re naya botshelo jo bo sa khutlheng. “Mme ene o phloleditswe ka ntlha ya rona, a teketelwa melato ya rona. Petso ya mo wela gore rona re bone kagiso. Mme re fodisiwa ka dintho tsa gagwe” (Jesaya 53:5).

A re lebelele kotlhao e batho botlhe ba kabong ba e fiwa. Mme ene wa neela ka botshelo jwa gagwe. Morago ga matsatsi a mararo a tlhagelela a fentse loso, a tsogile mo baswing a Mowa le nama. O ne a nna malatsi a le 40 a ntse a bonwa ke diketekete tsa batho pele a ka boela legaeng ja gagwe ja bosakhutlheng kwa Legodimong. Baroma 4:25 e re, “Yo o neng a neelwa losong ka ntlha ya ditlolo tsa rona, a ba a tsosediwa go siamisiwa ga rona.”

Tsogo ya ga Jesu Keresete e ne ya kwadiwa sentle. Moapostolo Paulo o ne a bolelela ba ba neng ba ganela gore Keresete o tsogile gore ba botsolotse ba ba mmoneng ka matlho go netefatsa gore go diragetse eng mme ga go a ke gwa nna le ope yo o kgonang go ganetsa boammaruri. Tsogo ya ga Keresete ke yona lentswe la sekhutlo mo tumelong ya Bokeresete; ka gonne Keresete a tsogile mo baswing, le rona re dumela gore re tlo tsosiwa.

Paolo o ne a rotloetsa Bakeresete ba bogologolo bao ba neng ba sa dumele gore Keresete o tsogile ka gore: “Fa jaanong Keresete a rerwa go twe, o tsogile mo baswing, go ntse jang, fa bangwe ba lona ba re, ga go tsogo ya baswi? Kana fa go se tsogo ya baswi, Keresete le ene o tlabo a sa tsoga” (I Bakorinthe 15:12-13).

Keresete ke ene wa ntlha wa go tsosiwa mo baswing, morago go tla latela bontsintsi jwa bao ba dumetseng mo go ene. Loso lwa nama lo tlile ka monna a le mongwe, Atama, bao rotlhe retswang mo go ene. Mme botlhe bao ba tseneng mo lotsong lwa Modimo ka tumelo mo go Keresete Jesu ba tla newa botshelo jo boshwa (I Bokorinthe 15:20-22). Jaaka fa Modimo o ne wa tsosa mmele wa ga Keresete, le mebele ya rona e tla tsosiwa jalo fa Keresete a bowa (I Bakorinthe 6:14).

Le fa rotlhe re tlile go feletsa re tsositswe, ga re kitla re tsena Legodimo rotlhe fela. Mongwe le mongwe o iterela boikgethelo a sa le mo botshelong jo gore o batla go ya kae kwa bosakhutlheng. Beibele e re bolelela gore batho ba beetswe go swa gangwe fela, mme go tla katlholo morago ga moo (Bahebere 9:27). Mme ba tla tloga ba ya kwa petsong e e sa khutlheng, basiami bone kwa ba ya botshelong jo bo sa khutlheng (Matheo 25:46).

Dihele, jaaka Legodimo, ga se felo ga megopolo fela, ke lefelo la nnete. Ke lefelo leo baetsadibe ba tlileng go lemoga kgalefo e e sa feleng ya Modimo. Ba tla bo ba utlwa botlhoko mo moweng, mo tlhaloganyong, mo mmeleng, ba jewa ke ditlhong go ya go ile.

Dihele di tlhaloswa jaaka mokoti o o se nang bolekanngo (Luka 8:31; Tshenolo 9:1), le letsha la molelo wa sebabole (Tshenolo 20:10). Kwa diheleng e tla bo ele dillo le ditsikitlano tsa meno, kutlobotloko le kgalefo (Matheo 13:42). Ke felo kwa seboko se sa sweng, le molelo o o sa timeng (Mareka 9:48). Modimo ga o kgatlhiwe ke loso lwa moleofi, mme o rata fa moleofi o ka tlogela tsamao ya gagwe e e bosula a phela (Hesekiele 33:11). Modimo go o kgone go gapeletsa batho gore ba mo direle; fa re tlhopa go mo ikgatholosa, o tla re naya seo re se batlang – go tshela kwa ntle le ene.

Botshelo mo lefatsheng ke teko e e re lokisetsang dilo tse di tlang. Bao ba dumetseng mo go Jesu Keresete ba lokiseditswe botshelo jo bo sa khutlheng gammogo le Modimo wa bone. Re lokafadiwa jang gore re kgone go amogela botshelo jo bo sa khutlheng? Go tsela ele ngwe fela, ka tumelo mo go Keresete Jesu, Morwa Modimo. Jesu Keresete o rile, “Ke nna tsogo le bophelo, yo o dumelang mo go nna o tla phela, le fa a ka swa. Mongwe le mongwe yo o phelang, a dumelang mo go nna, ga a ka ke a swa ka motlha o le mongwe (Johane 11:25-26).

Neo ya botshelo jo bo sa khutlheng e teng go amogedisiwa mongwe le mongwe, fela e batla gore re tlogele menate ya lefatshe, re nne ditlhabelo go Modimo. Yo o dumelang mo go Morwa o na le bophelo jo bo sa khutleng, yo o sa utlweng Morwa ga a ka ke a bona bophelo, mme bogale jwa Modimo bo mo okame”(Johane 3:36).

Fa o batla go amogela Keresete Jesu jaaka Mopholosi wa gago, thapelo e e bobebe e a latela. Gopola gore ga o pholosiwe ke go rapela thapelo e, kgotsa thapelo efe kapa efe. O pholosiwa mo boleong ke fa o dumela mo go Keresete Jesu. Thapelo e, ke mokgwa wa go bontsha tumelo mo Modimong le go mo leboga ka gore naya pholoso. “Rara, ke a itse gore ke leofile kgatlhanong le wena mme ke thswanetse ke kotlhao. Fela, Jesu Keresete o tsere kotlhao e e neng e ntibile gore fa ke dumela mo go ene ke itshwarelwe boleo. Ke solofetse mo go wena gore o mpholose. Ke a go leboga ka nntata ya boutlwelobotlhoko jwa gago le boitshwarelo, e leng mpho ya botshelo jo bo sa khutlheng! Amen.

A o tsere tshweetso ka Keresete ka lebaka la se o se buisitseng fa? Fa go le jalo, tobetsa konopo e e fa tlase “Ke amogetse Morena gompieno”.

English



Boela kwa tsebebg ya fa gae ya Setswana

A go botshelo morago ga loso?
Facebook icon Twitter icon Pinterest icon Email icon
© Copyright Got Questions Ministries