settings icon
share icon
Potso

A Modimo o teng? A go na le bopaki ba boleng teng ba Modimo?

Karabo


Bolengteng ba Modimo bo ka se pakiwe kgotsa ba pakiwa. Bebele ya re re tshwanetse go amogela gre Modimo o teng: ‘Ntle le tumelo go thata go itumedisa Modimo, gonne botlhe ba batlang kwa go ena ba tshwanetse go dumela gore teng mme o tla lefa ba ba mmatlang ka nnete” (Baheberub 11:6). Fa Modimo o rata, o ne a ka tlhagelela mo lefatsheng go bontsha gore o teng, mme fa a ka dira jalo, go tla bo go se botlhokwa go nna le tumelo. “Jaanong Jesu a mmolelela, ‘gonne o mpone, o dumetse; go sego ba ba dumelang bas a mpona’” (Johane 20:29).

Se ga se re ga go na bopaki ba gore Modimo o teng. Bebele ya re, “Magodimo o supa bogolo ba Modimo; le ditiro tsa matsogo a gagwe. Letsatsi ka letsatsi di a bua, bosigo ka bosigo di tlhagisa kitso ya tsona. Ga gona puo kgotsa leleme la tsona le le sa utlwaleng. Lentswe la tsona le fitla mo lefatsheng mme mafoko kwa bofelong ba lefatshe” (Pesalome 19:1-4). Fa re leba dinaledi, re tlhaloganya bogolo ba lefatshe re bona bontle ba tlholego, bontle ba tlhabo ya letsatsi – tsotlhe tse di supa Modimo Mmopi. Fa se se sa lekana go na le bopaki gape mo dipelong tsa rona. Moekelesia 3:11 o re bolella gore, “…O beile gape bosakhutleng mo dipeloong tsa batho.” Kwa tengteng mo gare gar one, re itse gore go na le sengwe go feta lefatshe le, le mongwe yo o fetang lefatshe. Re ka nna ra ganela kitso mme Modimo e na o teng mo go rona. Le ntle le se, Bebele e re tsibosa gore go tla nne go nne le batho ba bat la ganetsang boleng teng ba Modimo: “Lesilo le tla re mo pelong ya lona, ‘Ga go na Modimo’” (Pesalome 14:1). Go tshwanetse ga bo gona le sengwe ka gonne batho ba dihisetori tse di farologaneng, ditso le di tlhabologo ba dumela mo Modimong o o mongwe fela.

Go tsenyeletsa mo dingangisanong tsa bebele ka ga boleng teng ba Modimo, go na le dingangisano tse dingwe. Santlha, go diriswa kgopolo ya Modimo go paka boleng teng ba gagwe. E simolola ka gore Modimo ke motho yo o mogolo go feta yo o ka mo naganang.” Go bo go ngangisanwa ka gore go nna teng go go golo go feta go sa nneng teng, ka jalo yo mogolo go feta o tshwanetse go nna teng, mme se se kgatlhanong le tlhaloso ya Modimo.

Sa bobedi, jaaka lefatsho le tlhagisa dilo tse di makatsakang tse go tshwanetse gab o go ne go na le Motlhodi wa tsona. Sekao, fa lefatshe le ka bo le le dimmaele di le lekgolo kgotsa go feta gaufi kgotsa kgakala, le ne le ka se kgone go neelana ka botshelo ka mokgwa o le dirang jaanong. Fa dielemente mo mowing di ka bo di farologane le ga jaana ka mokgwa mongwe fela, onnye sengwe le sengwe se se tshelang mo lefatsheng se ka bo se sule. The odds of a single protein molecule forming by chance is 1 in 10243 (that is a 10 followed by 243 zeros). A single cell is comprised of millions of protein molecules.

Ya boraro, sengwe le sengwe se na le tshimologo. Go tshwanetse ga bo go ne go na le sengwe se se tlhotlheledittseng sengwe le sengwe go nna teng. Jalo go tshwanetse ga nna le sengwe ‘se se sa tlhotlhelediwang’ go tlhola tlhotlheletso ya sengwe le sengwe. Selo se se sa tlhotlhelediwang se, ke Modimo.

Ya bone, e itsewe jaaka ngangisano ya votho. Setso sengwe le sengwe se na le molao. Mongwe le mongwe o itse se se siameng le se se sa siamang. Polao, maaka, go utswa le go tlhoka botho ga go a a mogelwa mo lefatsheng. E tswa kae kitso ya se se siameng le se se sa siamang fa e se mo Modimong o o Boitshepho?

Go tso tsotlhe tse, bebele e re bolelela gore batho bat la gana kitso yotlhe e ya Modimo mme ba ikgethele maaka. baroma 1:25 ya re, “Ba fetolelane maaka ka nnete ya Modimo, ba rapela mme ba bob a itirela dilo go na le go direla Modimo – yo o tlotlwang ka metlha. Amen.” Bebele gape ya re batho gab a na lebaka la go sa dumele mo Modimong: “ Gonne go tloga kwa tshimologong ya lefatshe boleng jwa Modimo – matla a gagwe a a senang bokhutlo le tlholego ya gagwe e bonagetse sentle mme e tlhalogantswe ka jalo motho ga a a lebaka lepe” (Baroma 1:20).

Batho ba rata go latola boleng teng ba Modimo ka bare ga gona bopaki le ka gore ga se saense. ” Neete ke gore fa ba amogela Modimo ban a le maikarabelo go ena mme ba tlhoka boitshwarelo go tswa mo go ena (Baroma 3:23, 6:23). Fa Modimo a le teng teng re tshwanela go arabela ditiro tsa rona mo go ena. Fa a seo, teng re ka nna re itirela sengwe fela se re se ratang re sa tshwenyege gore o tla re atlhola. Ke sona se batho botlhe ba bareng Modimo ga a teng ba itshwareletseng thata jana ka tumelo ya tshimologo ya tlholego – e ba neela tsela e nngwe ya go dumela mo Modimo Mmoping. Modimo o teng mme batho botlhe ba a itse. Lona lebaka le batho bas a batleng go dumela gore Modimo o teng ke lona tota la ngangisano ya boleng teng ba Modimo.

Re itse jang gore Modimo o teng? Jaaka bakeresete, re itse gore Modimo o teng ka fa re bua le ene letsatsi le letsatsi. Ga re mo utlwe a bua le rona, re kgomana le boteng ba gagwe, re kgomana le ketelelopele ya gagwe, re itse lerato la gagwe mme re eletsa mohau wa gagwe. Dilo di diragetse mo matshelong a rona tse re se nang tlhaloso ya tsona ntle le gore ke Modimo. Modimo o re diretse motlholo mme a re boloka a bo a fetola matshelo a rona mme re tshwanela go lemoga le go mmokela bolengteng ba gagwe. Ga go sepe se se ka thibelang go motho go amogela see. Kwa bokhutlong, boleng teng ba Modimo bo tshwanetse go amogelwa ka tumelo (Baheberu 11:6). Go tshepa Modimo ga se go tlolela mo lefifi; ke kgato mo kamoreng e e nang le lesedi e batho ba setseng ba eme teng.

English



Boela kwa tsebebg ya fa gae ya Setswana

A Modimo o teng? A go na le bopaki ba boleng teng ba Modimo?
Facebook icon Twitter icon Pinterest icon Email icon
© Copyright Got Questions Ministries