settings icon
share icon
Potso

A Jesu Keresete ke ena tsela e e yang Legodimong a nnosi?

Karabo


“Fa ke le motho yo o siameng ke tla ya Legodimong. Ke a dumela gore go dilo tse bosula tseo ke di dirang, fela tse di siameng di feta tse di bosula, ka moo ge, ke tla ya Legodimong”. “Modimo o ka se ntlhatlhele kwa diheleng gonne ke sa dumele Beibele, dinako di fetogile!” “Batho ba ba bosula thata jaaka ba go betelela bana le babolai ke bona ba ba yang kwa diheleng”.

Fa godimo go kwadilwe tse dingwe tsa megopolo e e fosagetseng, eo e leng maaka a a taswang go satane. Ene satane yo, mmusi wa lefatse, o jala maaka ao mo megopolong ya rona. Satane, le mongwe le mongwe yo o mo salang morago ke mmaba wa Modimo (I Petoro 5:8). Satane ke motsietsi mme o kgona go iphetosa mongwe yo o siameng (II Bakorinthe 11: 14), e bile o busa mo megopolong ya bao e seng ba Modimo. “Modimo wa sebaka se o fifaditse megopolo ya badumedi gore ba seka ba bona lesidi la Evangele ya kgalalelo ya ga Keresete, yo o leng sefatlhegong sa Modimo” (II Bakorinthe 4: 4).

Ga se boammaruri gore Modimo ga o re sepe ka boleo jo bonnye, le gore dihele di lebane “batho ba ba bosula”. Boleo bongwe le bongwe bo re aroganya le Modimo, lefa ele “makanyana fela”. Rotlhe re leofile, ga go ope yo o siameng go ka tsena kwa Legodimong ka boena (Baroma 3:23). Re ka se tsene Legodimong gonne bontle jo re bo dirileng bo gaisa bosula. Mme fa ele ka bopelotlhomogi, ga e tlhole e le ka ditiro gonne foo bopelotlhomogi e ka bo e sa tlhole e le bopelotlhomogi (Baroma 11:6). Ga go sepe se se siameng seo re ka se dirang gore re tsene Legodimong (Tito 3:5).

Tsenang ka kgoro e e pitlaganyeng; gonne kgoro e atlhame, le tsela e kgolo e e yang tatlhegong, mme ba ba tsamayang ka yone ba bantsi” (Matheo 7:13). Lefa batho ba itshelela botshelo jwa boleo, ba sa thsepe Modimo, Modimo o ka se ikgatholosa boleo jwa bone. “Le lona o lo tsidisitse bao lo neng lo sule ka ditlolo tsa lona le maleo a lo kileng lwa bo lo tsamaya mo go ona ka fa mokgweng wa lefatshe leno, jaaka mong wa loapi a laola, e bong mowa o le jaanong o dirang mo bathong ba ba sa utlweng” (Baefeso 2:1-2).

Modimo o tlhodile lefatshe le siame, le tlhomame. Foo, a bopa Atame le Efa wa ba neela thata ya go tlhopa go dira thato ya Gagwe kgotsa go nna diganana. Bobedi joo, bo ile jwa raelwa ke satane gore ba tlole taelo ya Modimo, ba mo leofela. Atame le Efa ba ne ba ikgaoganya le Modimo mmogo le rona botlhe bao re tlileng morago ga bone. Ke fa go sa tlhole go nna le kgolagano e e tletseng magareng ga motho le Modimo ka gonne Modimo o tlhamaletse e bile o sa kgone go ikgatholosa boleo. Rona baetsadibe ga re kgone go boela kwa Modimong ka borona. Modimo o ne o dire tsela eo re ka kopanang le ene kwa Legodimong ka yone. “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo, mo o bileng wa le neela morwa ona yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a seka a latlhega, mme a nne le botshelo jo bo sa khutlheng” (John 3:16). “Gonne tuelo ya boleo ke loso, mme neo ya bopelotlhomogi ya Modimo ke bophelo jo bo sa khutlheng mo go Keresete Jesu, Morena wa rona” (Baroma 6:23). Jesu Keresete o belegetswe go swela boleo jwa rona gore rona re seka ra swa. Malatsi a le mararo morago ga loso lwa gagweo ile a tsoga mo phuphung (Baroma 4:25), mme a supa fa a le maatla go gaisa loso. O ile wa siamisa kgolagano e e neng e le gone magareng ga motho le Modimo, gore rona re nne le kgolagano e e tletseng le Modimo wa rona fa re dumela mo go ene.

“Mme botshelo jo bo sa khutlheng ke fa go itse o le Modimo wa boammaruri o le wesi, le Jesu Keresete yo o mo romileng” (Johane 17:3). Batho ba le bantsi ba dumela mo Modimong, ee, le satane o a dumela. Fa re batla go pholosiwa, re tshwanetse go khutlhela kwa Modimong, re simolola kgolagano ya rona le one, re sokologe mo boleong jotlhe, re mo sale morago. Go tlhokega gore re thsepe mo go Jesu Keresete, ka tsotlhe tse re di dirang le tseo re di nang natso. “Go tshiamo ya Modimo e e bonwang ka go dumela mo go Jesu Keresete, mme ke ya botlhe ba ba dumelang; gonne ga ga gona pharologanyo epe” (Baroma 3:22). Beibele e re ruta gore ga go tsela epe ya go pholosiwa fa ese ka Jesu Keresete fela. Mo bukeng ya Johane 14:16, Keresete o bua gore, “ke ene tsela, boammaruri, le botshelo; ga go ope yo a ka fitlhang kwa go Rara fa e se ka nna”.

Jesu Keresete ke ene a nnosi e leng tsela ya pholoso gonne e le ena a nnosi yo o ka duelling maleo a rona (Baroma 6:23). Ga go tumelo e ngwe gape e e neelanang ka tuelo ya boleo e e tliswang ke Keresete Jesu. Modimo o ne wa nna motho (Johane 1:1; 14) - ke yona tsela e le ngwe fela eo boleo bo neng bo ka duellwa ka gone. Keresete Jesu o ne a tshwanelwa go nna Modimo gore o re duelele boleo jwa rona. Keresete o ne a gapeletsega gore a nne motho gore a tle a swe. Pholoso e fitlhelwa fela fa re dumela mo go Jesu Keresete! “Mme ga gona pholoso mo go ope o sele; le gona ga gona leina lepe le sele fa tlase ga Legodimo le le neilweng batho, le re tshwanetseng rego phloswa ka lone (Ditiro 4:12).

A o tsere tshweetso ka Keresete ka lebaka la se o se buisitseng fa? Fa go le jalo, tobetsa konopo e e fa tlase “Ke amogetse Morena gompieno”.

English



Boela kwa tsebebg ya fa gae ya Setswana

A Jesu Keresete ke ena tsela e e yang Legodimong a nnosi?
Facebook icon Twitter icon Pinterest icon Email icon
© Copyright Got Questions Ministries