settings icon
share icon
Potso

Go tsalwa seshwa go raya go reng?

Karabo


Go tsalwa seshwa go raya go reng? Ditemana tsa bogologolo tse di mo Beibeleng mo lokwalong la ga Johane 3:1-21 di araba potso e sentle. Jesu Keresete fa, o ne a bua le Nikotemo yo e neng e le Mofarasai yo mogolo, a bile a le leloko la lekgotla ja Bajuta le le busang. O ne a ile go Jesu Keresete bosigo go mmotsolotsa dipotso tse di rileng.

Mo motltotlong wa bone, Keresete o ne a mmolella a re, “ammaruri ke go raya kere, ga go motho yo o ka bonang puso ya Modimo kwa ntle le gore a tsalwa seswa”. “Motho a ka tsalwa seswa jang fa a setse a godile?” Ga botsa Nikotemo. “A a ka tsena lwa bobedi mo mmeleng wa mmagwe a setse a godile?” Jesu a araba are, “Ke go bolelela boammaruri, ga go ope yo o ka tsenang mo pusong ya Modimo kwa ntle le gore a tsalwe ka metsi le ka Mowa. Se se tswetseng ke nama ke nama, mme se se tsetsweng ke Mowa ke mowa. O seka wa gakgamala fa kere, o thswanetse go tsalwa seshwa”” (Johane 3:3-7).

Puo e e reng “go tsalwa seshwa” e kaya gore “go tsalwa ke Modimo”. Nikotemo o ne a na le tlhoko e kgolo tota o ne a batla gore pelo ya gagwe e ntshafadiwe - phetogo ya semowa. Tsalo e ntshwa, go tsalwa seshwa, ke tiro eo Modimo o e dirang mo mothong fa o neela botshelo jo bosakhutlheng mo go yo o dumelang (II Bakorinthe 5:17; Tito 3:5; I Johane 2:29; 3:9; 4:7; 5:1-4&18). Johane 1:12&13 e re lemosa gore go “tsalwa seshwa” go akaretsa kgang ya go “nna bana ba Modimo” ka go dumela mo Ineng ja ga Jesu Keresete.

Re ka botsa potso e, “ke ka ntata ya eng fa re thswanetse go tsalwa seswa?” mo Lokwalong le Moapostola Paulo o le kwaletseng phuthego ya Baefeso, (Baefeso 2:1), Paulo o bua a re, “Le lona o lo tshidisitse ba lo neng lo sule ka ditlolo tsa lona le maleo”. Go phuthego ya Baroma, Moapostola Paulo o ne a ba kwalela gore, “gonne botlhe ba leofile, ba tlhoka tlotlo fa pele ga Modimo” (Baroma 3:23). Fa re leofa re sule mo moweng fa pele ga Modimo; fa re amogela botshelo mo moweng ka tumelo mo go Keresete Jesu, Beibele e kaya se e le yona tsalo e ntsha. Ke bao fela ba ba tsetsweng seshwa, bao ba tshwaretsweng dibe ba ba nang le kgolagano le Modimo.

Seo se diragala jang? Beafeso 2:8-8 e re, “Gonne lo pholositswe ka boitshwarelo ka tumelo – mme ga go tswe mo go lona, ke neo ya Modimo – Ga se ka ditoro, gore go se nne ope yo o ipokang”. Fa mongwe a pholosiwa, o tsalwa seshwa, mowa wa gagwe o a ntshafadiwe, e nna ngwana wa Modimo ka tetla e a e newang ke go tsalwa seshwa. Tsela ya go tsalwa seshwa ke fa re dumela mo go Jesu Keresete, e leng ene yo o duelletseng maleo a rona ka go bapolwa mo sefapanong, a re swela. “Ka moo ge, fa motho a le mo go Keresete, o a bo a le sebopiwa se seshwa; tsa bogologolo di fitile, bonang, di ntshwafetse tsotlhe!” (II Bakorinthe 5:17).

Fa o ise o ikanye mo go Jesu Keresete jaaka Morena le Mopholosi wa gago, ke kopa o reetse fa Mowa o o Boitshepo o bua mo pelong ya gago. O thswanetse wa tsalwa seshwa. A o ka rapela thapelo ya go siamisiwa gore o nne sebupiwa se sentsha mo go Keresete Jesu gompieno? “Le gale, botlhe ba ba neng ba mo tshola, a ba naya tshiamelo ya go nna bana ba Modimo, e bong ba ba dumelang mo leineng la gagwe; ke ba ba sa tswalwang ka madi, le eseng ka thato ya nama, le eseng ka thato ya monna, mme ba tswetswe ke Modimo” (Johane 1:12-13).

Fa o rata go amogela Jesu Keresete Jaaka Mopholosi gore o tle o tsalwa seshwa, thapelo e e bobebe ke e: Gopola gore ga o pholosiwe ke go rapela thapelo e, kgotsa thapelo efe kapa efe. O pholosiwa mo boleong ke fa o dumela mo go Keresete Jesu. Thapelo e, ke mokgwa wa go bontsha tumelo mo Modimong le go mo leboga ka gore naya pholoso. “Rara, ke a itse gore ke leofile kgatlhanong le wena mme ke thswanetse ke kotlhao. Fela, Jesu Keresete o tsere kotlhao e e neng e ntibile gore fa ke dumela mo go ene ke itshwarelwe boleo. Ke solofetse mo go wena gore o mpholose. Ke a go leboga ka nntata ya boutlwelobotlhoko jwa gago le boitshwarelo, e leng mpho ya botshelo jo bo sa khutlheng! Amen.

A o tsere tshweetso ka Keresete ka lebaka la se o se buisitseng fa? Fa go le jalo, tobetsa konopo e e fa tlase “Ke amogetse Morena gompieno”.

English



Boela kwa tsebebg ya fa gae ya Setswana

Go tsalwa seshwa go raya go reng?
Facebook icon Twitter icon Pinterest icon Email icon
© Copyright Got Questions Ministries