settings icon
share icon
Potso

Go kaya eng go amogela Jesu jaaka mopholosi wa gago?

Karabo


A o amogetse Jesu jaaka mopholosi wa gago? Go tlhaloganya potso sentle o tshwanetse go tlhaloganya mareo a “Jesus Keresete,” “wa gago,” le “Mopholosi.”

Jesu Keresete ke mang? Batoh ba le bantsi ba tla re ke monna yo o siameng, moruti yo mogolo kgotsa moporofeta wa Modimo. Dilo tse nnete ka ga gagwe, mme fela ga di tlhalose boene mo go feletseng. Bebele e re bolelela gore Jesu ke Modimo ka namana, (buisa Johane 1:1, 14). Modimo o tlile mo lefatsheng go re ruta, go re fodisa, gore baakanya, go re itshwarela – le go re swela. Jesu Keresete ke Modimo, Mmopi, Morena wa rona. A o amogetse Jesu?

Mopholosi ke eng mme goreng re mo tlhoka? Bebele e re bolelela gore rotlhe re baetsadibe; re leofile (Baroma 3:10-18). Ka lebaka la dibe tsa rona, re tshwanelwa ke kgafelo le katlholo ya Modimo. Katlholo e le nngwe fela e e teng kgatlhanong le dibe tsa rona ke e e sa felelng ya Modimo (Baroma 6:23; Tshenolo 20:11-15). Ke lona lebaka le re tlhokang Mopholosi!

Jesu Keresete o tlile mo lefatsheng go tla gore swela dibe. Loso lwa gagwe ke tuelo ya dibe tsa rona (2 Bakorinte 5:21). Jesu o sule go duela dibe tsa rona (Baroma 5:8). Jesu o duetse gore re seka ra duela. Tsogo ya gagwe mo baswing e ne e lekane go duela dibe tsa rona. TS eke sona se Jesu e leng ena fela mopholosi wa rona (Johane 14:6; Ditiro 4:12)! A o dumela mo go Jesu Keresete jaaka mopholosi wa gago?

A Jesu ke mopholosi wa gago? Batho ba le bantsi ba bona Bokeresete e le go ya kerekeng, g dira meetlo, le go sa dire dibe tse di riling. Seo ga se bokeresete. Bokeresete ba nnete ke go nna le kamano ya nnete le Jesu Keresete. Go amogela Jesu jaaka mopholosi wag ago go kaya go baya tshepo le tumelo ya gago mo go ene. Ga go ope yo o bolokwang ka tumelo ya ba bangwe. Ga go ope yo o bolokwang ka go dira dilo dingwe. Tsela e le nngwe fela ya go bolokwa ke go amogela Jesu jaaka mopholosi wa gago, go tshepa loso lwa gagwe jaaka tuelo ya dibe tsa gago le tsogo jaaka sesupo sa botshelo jo bo sa khutleng (Johane 3:16). A Jesu ke mopholosi wa gago?

Fa o batla go amogela Jesu jaka mopholosi wa botshelo jwa gago, bolelela Modimo mafoko a a latelang. Gopola gore go bua thapelo e kgotsa e nngwe fela go ka ka se boloke. Fela fa o dumela mo go Jesu Keresete le tiro ya gagwe e e feditsweng mo sefapanong go go boloka mo dibeng. Thapelo e ke tsela e e bonolo ya go bolelela Modimo ka ga tumelo ya gago mo go ene le go mo lebogela go neela gore o bone poloko. “Modimo ke a itse gore ke go leofetse e bile ke lekanwe ke katlholo. Fela ke dumela gore Jesu o tsere kotlhao ya me gore ka tumelo ke itshwarelwe. Ke amogela go neela ga gago. Ke amogela Jesu Keresete jaaka mopholosi wa me! Ke a leboga ka mohau wag ago le boitshwarelo – mpho ya botshelo jo bo sa khutleng! Amen!”

A o tsere tshweetso ka Keresete ka lebaka la se o se buisitseng fa? Fa go le jalo, tobetsa konopo e e fa tlase “Ke amogetse Morena gompieno”.

English



Boela kwa tsebebg ya fa gae ya Setswana

Go kaya eng go amogela Jesu jaaka mopholosi wa gago?
Facebook icon Twitter icon Pinterest icon Email icon
© Copyright Got Questions Ministries