settings icon
share icon
Potso

Thapelo ya moleofi ke efe?

Karabo


Thapelo ya moleofi ke thapelo eo motho o e rapelang fa a lemoga gore o leofile mme o tlhoka Mopholosi. Go rapela thapelo ya moleofi ga go Siamese dilo tsotlhe ka gangwe. Go batlega gore moleofi a nne le kitso, kutlwisiso, le tumelo ka ga maemo a boleo a bone le gore ba tlhoka Mopholosi.

Santlha mo thapelong ya moleofi ke go tlhaloganya gore rotlhe re leofile. Baroma 3:10 e bua gore, “Jaaka go kwadilwe, ga go ope yo o siameng, le eseng a le mongwe fela”. Beibele e tlhalosa sentle gore rotlhe re leofile. Rotlhe re baleofi, re tlhoka boutlwelo-botlhoko le boitshwarelo jwa Modimo (Tito 3:5-7). Ka ntata ya boleo jwa rona, re tshwanelwa ke ke go otlhaiwa. (Matheo 25:46). Thapelo ya moleofi ke kopo ya gore re itshwarelwe, e sere gongwe ra galefelwa ke Modimo. Ke kopo ya boutlwelo-botlhoko, e se re gongwe ra galefelwa ke Modimo.

Sa bobedi, mo tha pelong ya moleofi ke gore re itse gore Modimo o dirile tuelo ya tatlhego le boleo jwa rona. Modimo o ne wa apara nama, wa nna motho mo mmeleng wa ga Jesu Keresete (Johane 1:1, 14). Keresete o tlile, a re ruta boammaruri jwa Modimo, a tshela botshelo jo bo siameng, jo bo senang boleo (Johane 8:46; II Bakorinthe 5:21). Ke fa Keresete a swa mo sefapanong mo boemong jwa rona, wa tsaya katlholo e e neng e re tshwanelwa (Baroma 5:8). Jesu Keresete o ne wa tsoga mo baswing gore a nne Sesupo sa gore o fentse bole, loso, le dihele (Bakolose 2:15; I Bakorinthe 15). Ka ntata ya tsotlhe tse, re ka bona boitshwarelo jwa maloe , le tsholofelo ya legae ja bosakhutlheng kwa Legodimong – fa re ka baya tsholofelo ya rona mo go Keresete Jesu. Seo re tshwanetseng ke go se dira ke gore re dumele gore Keresete o sule mo bogatong jwa rona, wa ba wa tsoga mo baswing (Broma 10:9-10). Re pholosiwa ka boutlwelo-botlhoko fela, ka tumelo ele esi, mo go Keresete Jesu a le mongwe fela. Baefeso 2:8 e re, “Gonne le pholositswe ka boitshwarelo ka tumelo; mme ga go tswe mo go lona, ke neo ya Modimo.”

Go rapela thapelo ya moleofi ke tsela ya go bua phatlalatsa gore re dumela gore Jesu Keresete ke ena fela yo o kgonang go re pholosa. Ga go mafoko a “bonoge” a a tlisang pholoso. Ke ka tumelo fela mo losong le tsogo ya ga Keresete re kgonang go pholosiwa. Fa o tlhaloganya gore o moleofi mme o tlhoka go pholosiwa ka Keresete Jesu, Thapelo ya moleofi ke eo fa tlase:

“Morena, ke a itse gore ke moleofi. Ke itse gape gore ke tshwanetswe ke ke tuelo ya boleo jwa me. Fela, ke solofetse mo pholosong ka Jesu Keresete. Ke a dumela gore loso le tsogo ya gagwe di neela boitshwarelo. Ke dumela mo go Keresete Jesu a nnosi, gore ke ena Mopholosi le Morena wa me. Ke a leboga Morena, gonne o mpholositse, e bile o ntshwaretse dibe! Amen.

A o tsere tshweetso ka Keresete ka lebaka la se o se buisitseng fa? Fa go le jalo, tobetsa konopo e e fa tlase “Ke amogetse Morena gompieno”.

English



Boela kwa tsebebg ya fa gae ya Setswana

Thapelo ya moleofi ke efe?
Facebook icon Twitter icon Pinterest icon Email icon
© Copyright Got Questions Ministries